Tirisanommogo ya merafe ya setso

Dintlha ka Porojeke

Kopano ya Ntlha: 4 Phatwe 2025

Setlhopha sa baeteledipele go tswa mo merafeng e e farologaneng ya setso sa Aforika Borwa se ne sa tshwara kopano mo mafaratlhatlhenbg ka la 4 Phatwe 2025 go buisana ka kgonego ya go dirisana mmogo go tlhagisa tokomane e e ka romelwang go barulaganyi ba Puisano ya Bosetšhaba. Mo kopanong eo, go ne ga tsewa ditshwetso tse di latelang:

  • Baeteledipele ba ne ba dumalana gore ba dirisane mmogo gore ba tsenye ditshwaelo tsa bone mo tokomaneng e e tla romelwang kwa Puisanong ya Bosetšhaba e e tla bong e na le maikutlo a bone ka naga ya rona malebana le merafe ya setso.
  • Go tla dirwa kitsiso ka tokomane eno e e nang le ditshwaelo tsa bone pele ga di 15 Phatwe 2025.
  • Gape baeteledipele ba dumalane go itsise ka letsholo la tirisanommogo (mafaratlhatlha a merafe ya setso) le boikaelelo jwa lone e leng go kwala ditshwaelo ts abone mo tokomaneng eno.
  • Go ne ga tlhomiwa setlhopha sa tiro gore se kwale tokomane ya ditshwaelo le gore e amogelwe semmuso ke baeteledipele, e e nang le ditshwaelo tse di tsentsweng ke baeteledipele ka nako ya kopano le morago ga kopano.
  • Boikaelelo jwa letsholo leno la tirisanommogo bo ka ga isagwe e bile bo fetela ka kwa ga Puisano ya Bosetšhaba.

Ditlhabololo tse di dirilweng

Morago ga moo setlhopha sa tiro se ne sa amogela ditshwaelo go tswa go baeteledipele mme sa tlhama thulaganyo ya tokomane e e neng ya baya ditshwaelo go ya ka ditlhogo tsa tsone. Ka la 8 Phatwe 2025, mekgatlho e e sa direng diporofete e ne ya itsise ka go ikgogela morago ga yone go tswa mo setlhopheng sa tiro se se neng se baakanyetsa Puisano ya Bosetšhaba le Kopano ya Ntlha ya Bosetšhaba ya Puisano ya Bosetšhaba e e neng e rulaganyeditswe go tshwarwa ka la 15 Phatwe 2025.

Kopano ya bobedi: 11 Phatwe 2025

Baeteledipele ba ne ba tshwara kopano ya tatediso ka la 11 Phatwe 2025 go buisana ka ditshwaelo tse ba di amogetseng, ka thulaganyo e e neng e kwadilwe ya tokomane eno mmogo le ka thulaganyo e e tshwanetseng go latelwa, go ikaegilwe ka ditlhabololo tse di dirilweng. Mo kopanong eo, go ne ga tsewa ditshwetso tse di latelang:

  • Baeteledipele ba dumetse go tswelela ka tirisano mmogo ya bone ka tokomane e e tla bontshang dikgwetlho tsa konokono tse merafe ya setso e lebaganeng le tsone mo nageng ya rona, tse di tshwanetseng go etelediwa kwa pele le ke Puisano ya Bosetšhaba.
  • Thulaganyo ya go dirisana mmogo e tla dirwa semmuso ka go tlhama mmogo le go amogela semmuso tokomane ya motheo.
  • Go tla latelwa thulaganyo ya dikopano tsa mo mafaratlhatlheng mmogo le dikopano tsa ka namana go konela se se fa godimo.
  • Dintlha tse di amanang le dikopano le dikgato tse di tshwanetseng go tsewa, go akaretsa le dikitsiso tse di yang go botlhe le dikitsiso tsa bobegakgang, di tla okamelwa ke setlhopha sa tiro.

Molaetsa o o nonofileng

Thulaganyo eno ya letsholo la tirisanommogo e romela molaetsa o o nonofileng wa gore merafe ya setso le baeteledipele ba yone – ba gantsi ba sa reediweng – ba tsaya maikarabelo le go tswa letsholo ka bobone ka go dirisana mmogo gore dikokomana tsa gone jaanong le tsa isagwe di solegelwe molemo.

Kitsiso e e gololelwang babegadikgang

Ikgolaganye le rona

Dintlha-kgokagano

  • info@peoplesdialogue.org.za

Tlogela molaetsa

"*" indicates required fields

This field is for validation purposes and should be left unchanged.
Leina_Sefane*