Merafe e e farologaneng ya setso e bopa kgokagano e e botlhokwa thata ya tirisano fa gare ga merafe ya ditso tse di farologaneng.

Ka di 22 Diphalane, baeteledipele go tswa mo merafeng e e farologaneng ya setso mo Aforika Borwa ba ne ba tlhoma Kgokagano ya Merafe ya Setso (Cultural Communities Network [CCN]) semmuso, e leng letsholo la tirisanommogo fa gare ga merafe ya ditso tse di farologaneng e boikaelelo jwa yone e leng go berekela bokamoso jo bo nang le kagiso jo bo segofetseng jwa bana ba merafe yotlhe ya setso mo nageng ya rona.

CCN ke tšhono ya gore merafe ya setso e tshware dipuisano tse di mosola, ka maikaelelo a a siameng le go buisana ka merero e e ba amang botlhe e ba tshwenyegileng ka yone. CCN e ne ya tlhomiwa ka go amogelwa ga Melawana-Tsamaiso ya kopano ya CCN ke baemedi ba le 38 go tswa mo merafeng ya setso e le 26 mo diporofenseng tsotlhe, ba ba neng ba le teng kwa kopanong eno ya semmuso kwa Pretoria. Dipuisano kwa kopanong eno ya ntlha e go neng go ilwe kwa go yone ka namana ya CCN di ne di le ka ga ditlhogo tse pedi: go diragadiwa ga ditshwanelo tsa setso ka botlalo le tlhabololo ya loago le ikonomi.

Go tlhomiwa ga CCN go dirilwe morago ga ditherisano tsa bosheng fa gare ga baeteledipele ba setso gore ba dirisane mmogo mo go kwaleng tokomane ya ditshwaelo gore e romelwe kwa Puisanong ya Bosetšhaba. Tokomane eno e tla bontsha maikutlo a bone ka ga dikgwetlho tsa konokono tse merafe ya setso e lebaneng le tsone le go tshitshinya dikgatotharabololo tse di ka dirisiwang go rarabolola dikgwetlho tseno.

Go buisana ka go diragadiwa ka botlalo ga ditshwanelo tsa setso go ne ga felela ka gore go tlhomiwe mogopolo mo dilong tse di latelang:

  • Go tlhabolola le go rotloetsa tiriso ya dipuo tse di sa tseweng tsia gone jaanong kgotsa di iseng di tlhabololwe ka botlalo.
  • Thotloetso ya go rutwa ga bana ba merafe yotlhe ya setso ka dipuogae.
  • Thotloetso ya go amogelwa ka botlalo ga merafe yotlhe ya setso, segolo bogolo merafe ya setso ya ba Khoi-San, Maaforikanere le merafe e mengwe ya setso e e iseng e amogelwe.
  • Go nonotsha le go rotloetsa ditshwanelo tsa setso.
  • Thotloetso ya gore batho merafe ya setso ba nne le ditsha tsa bone.
  • Go somarela ngwaoboswa le go tlhabolola mafelo a ngwaoboswa.

Go buisana ka tlhabololo ya loago le ikonomi go ne ga felela ka gore go tlhomiwe mogopolo mo dilong tse di latelang:

  • Go tlhaola le go tlhoma ditheo tsa semolao tse di maleba tsa merafe ya setso gore ba laole ditsha tsa bone le go nna le dithaetlele tsa tsone.
  • Go batla ditsela tsa gore merafe ya setso e solegelwe molemo ka tsela e e siameng ke meepo le ditiro tse dingwe tsa kgwebo mo setsheng sa bone.
  • Go dirisana mmogo le go dumalana mmogo mo tirong ya go rulaganya, go diragatsa porojeke, le go thusa ka madi.
  • Thotloetso ya thuto, katiso le go rutiwa dikgono-tiro.
  • Go nonotsha bokgoni jwa go ikemela ka nosi le jwa go itlamela ka go sola lefatshe molemo ka tsa temo le  ka ditiro tse dingwe tsa tlhabololo ya kgwebo ka go dirisana mmogo.
  • Go ithuta go tswa mo katlegong ya ba bangwe.

Baemedi ba ba tswang kwa merafeng e e latelang ya setso ba ne ba nna le seabe mo dipuisanong tseno: Ba-Nama ba Maaforikanere, Maaforikanere go tswa kwa AfriForum le Mokgatho wa Baagi, AmaBhele AseLenge, Amaquas Nama, AmaQwathi, BakaMawewe, Bakgatla Ba Kgafela, Bakgatla Ba Moshetla, Batlharo Boo Tokwana Ba Ga Masibi, Barolong Boo Seleka, Danster Korana, Lebelo, Links Korana, Mahumani, Majeje, Makholokoe, Malangeni, Mandlakazi, Marishane, Ovaherero, Phaahla, Taaibosch Korana, Waterboer Griqua, Xam Kei Korana and Yzerbeck Korana. Merafe e mengwe gape ya setso e ne e emetswe ke babogedi.

CCN e laletsa mekgatlho ya setso, mekgatlho ya baagi, magosi kgotsa baeteledipele ba setso, mekgatlho e e emelwang ke baagi, le ditheo tse dingwe tse di itsegeng tse di emelang ditshwanelo tsa merafe ya setso go nna le seabe mo maitekong a a botlhokwa ano a go netefatsa gore merafe eno ya setso ya maemo a a kwa tlase e kgona go tshedisana sentle ka kagiso.