Baeteledipele ba ba tswang mo merafeng e e farologaneng ya setso e tla dirisana mmogo mo Puisanong ya Bosetšhaba le morago ga yone

Baeteledipele ba ba tswang mo merafeng e e farologaneng ya setso ya Aforika Borwa ba dumetse go tlhama letsholo la tirisanommogo le le tla ba thusang go tshwara motlotlo o o mosola mmogo ka maikaelelo a a siameng le go dirisana mmogo mo mererong e e ba amang botlhe e e kgethegileng e ba tshwenyegileng ka yone. Boikaelelo jwa ntlha jwa letsholo leno ke go kwala tokomane e e nang le ditshwaelo e e tlhagisang dikgwetlho tsa konokono tse merafe ya setso e lebaneng le tsone, mmogo le ditharabololo tse di tshitshintsweng tsa dikgwetlho tseno. Tokomane eno e e nang le ditshwaelo gape e tla romelwa kwa go ba Puisano ya Bosetšhaba.

Boikaelelo jwa letsholo leno la tirisanommogo ke go tlhomamisa gore bana botlhe ba merafe ya setso ya naga ya rona ba tlile go nna le isagwe e e nang le kagiso le thagamo. Tiro ya yone e tla tswelela pele morago ga  Puisano ya Bosetšhaba. Go tlhamiwa ga letsholo leno go dirilwe morago ga dipuisano tsa bosheng jaana tsa baeteledipele ka ga kgonagalo ya go dirisana mmogo mo Puisanong ya Bosetšhaba. Go tlhomilwe setlhopha sa tiro gore se kwale tokomane e e nang le ditshwaelo gore baeteledipele ba e amogele semmuso le go okamela thulaganyo ya go dira gore letsholo leno la tirisanommogo e nne le le tlhomilweng semmuso.

“Ga go na pelaelo gore merafe ya setso e teng; Aforika Borwa ga e na batho ka bongwe fela le puso. Baeteledipele le mekgatlho e e eteletsang kwa pele ngwao, ngwao-boswa, puo, boitshupo jwa setso le morafe wa setso gore setšhaba se nne ka mokgwa o ba eletsang gore se nne ka one, ba tshwanetse go tsewa tsia mmogo le bao ba eteletsang kwa pele kgololesego ya botho le ya puso. Gore puisano e nne e e mosola, dikgopolo tse di farologaneng tse maloko a baagi a nang le tsone di tshwanetse go re le tsone di amogelwe le go akarediwa. Go botlhokwa thata gore go dirwe dipaakanyetso tse di lekaneng sentle tsa go amogelwa ga ditso tse di farologaneng le merafe e mengwe e e leng karolo ya konokono ya setšhaba sa rona le gore setšhaba sa rona se nne le seabe se segolo sa go bona gore isagwe e ba tsholetse eng le go ntsha maikutlo a bone ka dikgang tse di ba amang,” go bolela jalo Barend Uys, e leng Modulasetulo-mmogo wa setlhopha sa tiro.

“Baeteledipele ba merafe ya setso ba a lalediwa e bile ba rotloediwa go nna maloko a letsholo leno le go ntsha maikutlo a bone ka dikgwetlho tsa konokono tse merafe ya setso e lebaneng le tsone le gore ditharabololo tsa dikgwetlho tseno e ka nna dife. Go tshwanetse ga tlhomiwa mogopolo mo mererong eno go tlhomamisa gore merafe ya setso e nne le isagwe e e nang le kagiso le thagamo mo nageng ya rona, gape go tshwanetse ga tlhomiwa mogopolo mo go yone ka nako ya Puisano ya Bosetšhaba. Letsholo leno la tirisanommogo le romela molaetsa o o nonofileng wa gore merafe ya setso le baeteledipele ba yone – ba gantsi ba sa reediweng – ba tsaya maikarabelo le go tswa letsholo leno ka bobone ka go buisana mmogo gore dikokomana tsa gone jaanong le tsa mo isagweng di solegelwe molemo ka go tshedisana mmogo ka kagiso,” go konela jalo Nkosi Langa Mavuso, e leng Modulasetulo-Mmogo wa setlhopha sa tiro.

 Tshedimosetso ka tiro ya letsholo la tirisanommogo, go akaretsa le ditshwaelo tse di yang go ba Puisano ya Bosetšhaba, e tla bonwa mo atereseng ya www.peoplesdialogue.org.za.